Ke lefapha la mmuso le le theilweng ka Moranang 1997 go batlisisa dingongorego tsa keteko, bosenyi le go tshwengwa ke maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), le Tirelo ya Sepodisi sa Mmasepala (MPS).
Lefapha la ICD le ikemetse go tswa go SAPS ka botswerere le bokgoni mo dipatlisisong tsa magatwe a bosenyi le dipogiso ke maloko a SAPS. Maikemisetso a lona ke go tsweletsa maitsholo a a lolameng a sepodisi.
ICD E KA GO DIRELA ENG?
ICD e batlisisa ditiragalo tse di latelang:
Go tlhoofala ga batho ba ba tshwerweng ke sepodisi kgotsa ka ntlha ya ditiro tsa sepodisi (jaaka go tuntshiwa, keteko).
Go amega ga maloko a SAPS mo ditirong tsa bosenyi jaaka keteko, bogodu, bobod, tsietso, petelelo le melato menwge le mengwe ya bosenyi.
Mekgwa kgotsa maitsholo a a ileditsweng a sepodisi go ya ka Dikae lo tsa SAPS kgotsa Melawana ya Sepodisi, jaaka go itlhokomolosa tiro kgotsa go retelelwa ke go obamela Molao wa Maitsholo a sepodisi.
Go se kgotsofalele kgotsa go ngongoregela thuso e e bokowa ya sepodisi.
Go retelelwa ke go thusa kgotsa go sireletsa batlhokofadiwa ba tiriso dikgoka ya mo lapeng go ya ka Molao wa Tiriso Dikgoka mo Lapeng (DVA).
Gose itshole sentle kgotsa thumolano e e dirwang ke maloko a Tirelo ya Sepodisi sa Mmasepala(MPS).
DINGONGOREGO TSE ICD E KA SE KGONENG GO GO THUSA KA TSONA?
ICD e ka se kgone go go thusa fa:
Dingongorego tsa ditiro tse di dirilweng pele e tlhamiwa, ke gore pele ga Moranang 1997 le tseo di dirilweng go feta sebaka sa ngwaga di begelwa ICD, ntle le fa go na le mabaka a a kgethilweng.
Dingongorego kgatlhanong le badiri ba Ditirelo tsa Kgopololo, batlhankedi ba kgotlatshekelo, le maloko a Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa.
KE MANG YO O KA TLHAGISANG NGONGOREGO?
Motho mongwe le mongwe, e ka tswa e le paki ya motlhokofatwsa kgotsa moemedi.
Mekgatlho e e seng ya mmuso le ya setšhaba.
NKA TLHAGISA NGONGOREGO JANG?
